Setswana FAL P2 Feb-March 2014

Download as pdf or txt
Download as pdf or txt
You are on page 1of 20

GRADE 12

NATIONAL
SENIOR CERTIFICATE

MOPHATO 12

SETSWANA PUOTLALELETSO YA NTLHA (FAL)

PAMPIRI YA BOBEDI (P2)

TLHAKOLE/MOPITLWE 2014

MADUO: 70

NAKO: 2 diura

Pampiri e, e na le ditsebe di le 20.

Kwalololo e ileditswe Phetla


Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P2 2 DBE/Tlhakole–Mopitlwe 2014
NSC

DITAELO

1. Buisa tsebe e, ka kelotlhoko pele o ka simolola go araba dipotso.

2. O se ka wa leka go buisa pampiri yotlhe. Lebelela lenaane la diteng mo


tsebeng e e latelang, mme o tshwae dipotso go tswa mo dikwalong tse o di
buisitseng monongwaga. Morago ga moo tlhopha dipotso tse o batlang go di
araba.

3. Pampiri e, e na le DIKAROLO di le NNE:

KAROLO YA A: Padi (35)


KAROLO YA B: Terama (35)
KAROLO YA C: Dikgangkhutshwe (35)
KAROLO YA D: Poko (35)

4. Araba DIPOTSO di le PEDI fela go tswa mo dikarolong TSE PEDI tse di


farologaneng:

KAROLO YA A: PADI
Araba potso e le NNGWE go tswa mo pading e o e buisitseng.

KAROLO YA B: TERAMA
Araba potso e le NNGWE.

KAROLO YA C: DIKGANGKHUTSHWE
Araba potso e le NNGWE.

KAROLO YA D: POKO
Araba dipotso di le PEDI.
Lenaneonetefatso le tla go thusa mo tlhophong ya dipotso.

5. Buisa ditaelo ka kelotlhoko mo tshimologong ya karolo NNGWE le NNGWE.

6. Kwala palo ya dikarabo jaaka dipotso di boditswe.

7. Simolola karolo NNGWE le NNGWE mo tsebeng e NTŠHWA.

8. Kwala ka mokwalo o o phepa o o bonalang.

9. Tiriso ya nako e e tshitshinngwang: Metsotso e le masomeamarataro (60) e


dirisiwe mo karolong NNGWE le NNGWE.

Kwalololo e ileditswe Phetla


Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P2 3 DBE/Tlhakole–Mopitlwe 2014
NSC

LENANEO LA DITENG
Tsebe e, e tla letla batlhatlhojwa go tlhopha dipotso tse ba batlang go di araba kwa ntle
ga go buisa pampiri yotlhe.

KAROLO YA A: PADI

Araba potso e le NNGWE fela.


POTSO MOFUTA WA POTSO MADUO TSEBE
1. Bogosi Kupe Potso ya tlhamo 35 5
KGOTSA
2. Bogosi Kupe Dipotso tse dikhutshwane 35 5
KGOTSA
3. Morabaraba Potso ya tlhamo 35 6
KGOTSA
4. Morabaraba Dipotso tse dikhutshwane 35 7

KAROLO YA B: TERAMA

Araba potso e le NNGWE fela.


5. Moipolai yo o sa Potso ya tlhamo 35 9
lelelweng
KGOTSA
6. Ba tla nkitse Dipotso tse dikhutshwane 35 9
KGOTSA
7. Mosese, Mosese, Potso ya tlhamo 35 11
Mangole le Menwana
KGOTSA
8. Bo tla sa jang? Dipotso tse dikhutshwane 35 11

KAROLO YA C: DIKGANGKHUTSHWE

Araba potso e le NNGWE fela.


9. Ke tla thuswa ke mang? Potso ya tlhamo 35 14
KGOTSA
10. Lenyalo ke kgetse ya Dipotso tse dikhutshwane 35 14
lesogodi

KAROLO YA D: POKO

Araba dipotso di le PEDI fela.


11. Bosiela Dipotso tse dikhutshwane 17½ 17
KGOTSA
12. Mahuma-pelo a ga Dipotso tse dikhutshwane 17½ 18
Phokojwe
KGOTSA
13. Botlhanka Dipotso tse dikhutshwane 17½ 19
KGOTSA
14. Bojaki Dipotso tse dikhutshwane 17½ 20

Kwalololo e ileditswe Phetla


Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P2 4 DBE/Tlhakole–Mopitlwe 2014
NSC

LENANEONETEFATSO

Lebelela lenaneonetefatso le le latelang go bona gore o arabile dipotso tse di


tlhokegang:

KAROLO NOMORO YA PALO YA TSHWAYA


POTSO DIPOTSO TSE DI POTSO E O E
ARABIWANG ARABILENG
A: PADI
(Tlhamo KGOTSA 1–4 1
Dipotso tse dikhutshwane)
KGOTSA
B: TERAMA
(Tlhamo KGOTSA 5–8 1
Dipotso tse dikhutshwane)
KGOTSA
C: DIKGANGKHUTSHWE
(Tlhamo KGOTSA 9–10 1
Dipotso tse dikhutshwane)
KGOTSA
D: POKO
(Dipotso tse dikhutshwane) 11–14 2

ELA TLHOKO: Netefatsa gore o arabile dipotso go tswa mo dikarolong tse PEDI.

Kwalololo e ileditswe Phetla


Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P2 5 DBE/Tlhakole–Mopitlwe 2014
NSC

KAROLO YA A: PADI

Araba potso e le NNGWE fela mo karolong e.

POTSO 1 (POTSO YA TLHAMO)

BOGOSI KUPE – DPS Monyaise

Kwala tlhamo ya mafoko a a kana ka 250–300 ka ditiragalo tsa maiteko a go menola


bogosi jwa Phiritona le seabe se se botlhokwa se Modimoeng a se tsereng go sireletsa
kgosi. [35]

KGOTSA

POTSO 2 (DIPOTSO TSE DIKHUTSHWANE)

BOGOSI KUPE – DPS Monyaise

Buisa nopolo e e latelang, mme morago o arabe dipotso.

A bolela bopelokgale jwa ga Modimoeng ka mmaka mogale: Jaaka a tsenye mo


logageng a le esi a goga Sajene Botipe yo o rileng mo mosong a be a mo sotla;
morago a goga rre Serokolo ba mo tlhobogile. Mmaagwe a itumela go utlwa a bua jalo.
A itse gore o tshwanetse go begela mmaagwe, e se re ka moso a utlwa mo motseng a
gakgamala gore ke eng a ntse a sa mmegele. 'Mma, o ntse o itse ke nna le ditsala kwa
sekgweng sa ga Dimo, mme o sa itse lebaka. Go botoka gore o utlwe ka nna, e seng
ka motho osele.' A mo lotlegela jaaka e rile a tswa go reka dikgomo kwa Sefatlhane a
bona dingwe fa thoko ga tsela, nteko ke dikgomo tsa mmuso, ka go sa itse a di gapela
mo dithabeng tsa Phiritona, mme nako yotlhe fa a ntse a seo mo gae o a bo a le kwa
dikgomong tseo. Ga se gore o di utswile nnyaya.
Mmaagwe a mo tlhoma matlho. 'E le gore o ne o tsenwe ke eng?' A tila potso ya
gagwe, a bolela jaaka e rile morago ga dikgomo tsa mmuso a gakologelwa dipogiso
tsa boMokotedi, a ba tswa letsholo – a tsamaya le Modimoeng le Motlhoiwa. 'O raya
Motlhoiwa o ke mo itseng?' Mmaagwe o ne a sa bolo go belaela gore o itse sengwe ka
go nyelela ga bana ba ga kgaitsadie ka o ne a ise a ka a itshwenye go ba batla.
A mo tlhoma matlho lobaka lo loleele, a bona sefatlhego sa ga mogatsa Tukisang
motsing go o neng a tlile go bega gore bana ba gagwe ba nyeletse, a lebetse jaaka a
mo jeseditse kgobedung morago ga loso lwa ga Oshupile. Molato wa gagwe o ne o
sekilwe ke ditshoswane. 'Jaanong ba kae?' 'Re ne re le dipoo tse pedi mo sakeng,
mma. Di a bolaana ...'

2.1 Tukisang o amana jang le mmaagwe Obakeng? (1)

2.2 Naya leina la tsala ya ga Obakeng. (1)

2.3 Bana ba ga Tukisang ba goletse kwa kae? (1)

2.4 Ka dintlha di le PEDi, tlhalosa gore Obakeng o ne a lwela eng le bana ba ga


Tukisang? (4)

2.5 A fa o lebile o ka re Obakeng ga a utswa dikgomo tsa mmuso? Tshegetsa ka


lebaka. (2)
Kwalololo e ileditswe Phetla
Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P2 6 DBE/Tlhakole–Mopitlwe 2014
NSC

2.6 Modisa wa dikgomo tsa mmuso o ne a le kwa kae fa dikgomo di timela? (1)

2.7 Maphodisa a dirile eng go leka go bona dikgomo tse di timetseng? (2)

2.8 Puso e itsitse jang gore dikgomo di timetse? (2)

2.9 Go tlile jang gore dikgomo tsa mmuso di timele? (2)

2.10 Motlhoiwa o ne a thusa Kgosi jang fa e ne e menolwa mo bogosing? (2)

2.11 Ka dintlha di le PEDI, tlhalosa semelo sa ga Modimoeng. (4)

2.12 Go ya ka Oshupile, mosadi o nyalelwa eng? Naya dintlha di le THARO fela. (3)

2.13 Loso lwa ga Oshupile lo senoletse mmaagwe Obakeng botho jwa ga


Tukisang. Tshegetsa ntlha e, ka lebaka. (2)

2.14 Neela tshobotsi ya ga Tukisang ka dintlha di le PEDI fela. (4)

2.15 Oshupile le Matlhodi ba ne ba agile kwa kae? (1)

2.16 Lebaganya mafoko a a mo KHOLOMONG ya A le ditlhaloso tse di mo


KHOLOMONG ya B.

KHOLOMO YA A KHOLOMO YA B
2.16.1 Ikomeng A Moeteledipele wa lekgotla la bobedi go
ya go batla banna ba ba timetseng.
2.16.2 Serokolo
B Mogatsa Tukisang
2.16.3 Moremi
C Lephodisa la mo motseng.

D Modisa wa dikgomo tsa mmuso.


(3 x 1) (3)
[35]

KGOTSA

POTSO 3 (POTSO YA TLHAMO)

MORABARABA – SJ Lebethe

Go itshupa fa Morwesi a ne a tsewa ke phefo fa go tla mo dikgannyeng tsa lorato.


Netefatsa ntlha eno ka go kwala tlhamo e e ka nnang le mafoko a a kana ka 250–300
o bontshe ka moo magatwe le go nna matlhomantsi ga ga Morwesi di neng tsa mo
tlhakatlhakanyetsa lorato ka teng. [35]

KGOTSA

Kwalololo e ileditswe Phetla


Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P2 7 DBE/Tlhakole–Mopitlwe 2014
NSC

POTSO 4 (DIPOTSO TSE DIKHUTSHWANE)

MORABARABA – SJ Lebethe

Buisa nopolo e e latelang, mme morago o arabe dipotso.

Morwesi a boa kwa sekolong e le molwetsi yo mogolo. Fa a tsena mo gae a se ka a


lobela mmaagwe sepe. Mosadimogolo a loga leano gore rraagwe a se ka a itse gore
tota molato ke eng. Morago ga ditshipi di le tharo a boela sekolong. Bolwetse bo ne bo
mo feditse, a sesafetse. O ne a momonegile gore a bo a itlhomogele pelo.

Pelo ya gagwe e ne e le botlhoko tota. A ikotlhaela go latlha Ntshimane yo o neng a na


le maikaelelo, le go tsaya Mpute, le gona a mo tsaya mo tsaleng ya gagwe. Fela o ne
a rata Mpute. A ithaya a re, nnyaya, ga se molato wa gagwe. Ke dumela gore e ne e le
nako ya gore phoso e e ntseng jaana e diragale. E ka bo e ntse e diragetse le ka
Ntshimane. O ne a rile pele a tloga kwa sekolong a kwalela mokapelo a mmolelela dilo
tsotlhe. A mmolelela gore ga go ka o mongwe mokgwa, felo fa go tshwanetse ga
fedisiwa. O tlogile kwa sekolong a ise a bone karabo.

Dikgwedi tse pedi tsa fela go sa diragale sepe. Ntshimane o ne a tsoga moso mongwe
le mongwe a ya sekolong. O ne a feta moso mongwe le mongwe fa ga gaabo Bontle le
fa ga gaabo Morwesi. Maitseboa mangwe le mangwe fa a boa kwa sekolong a feta fa
ga gaabo Morwesi pele, mme a fete e kete ba ne ba dira lerata fela. E ne e le
selomodiro.

Lebaka le la dira gore a iteye se fololetse mo dithutong tsa gagwe. Se e nnile semaka
se segolo mo batsading. Ba lemoga gore morwaabona o tshwanetse a bo a rata go
nna monna. Go ne go se ope yo o ka mo thusang; botshelo ke ba gagwe. Batsadi
bona ba baya ditlhomeso fela. O ne a latlhegetswe ke tsholofelo gore o tshwana le
basimane ba ba bangwe. Kwa sekolong go ne go se na sepe se se mo itumedisang ...
Mmemme o ne a se gona. E rile a botsa gore o kae a utlwa gore o bonwe ke
mosimane mongwe kwa Tshwane mme gompieno ke mosadi wa lelapa.

4.1 Ke bolwetse bofe bo bo neng bo tshwere Morwesi? (2)

4.2 Bolwetse ba ga Morwesi bo alafegile jang? (2)

4.3 Ka dintlha di le PEDI, tlhalosa gore Mpute ke motho yo o ntseng jang. (4)

4.4 Fa e ne e le wena o tshwerwe ke bolwetse jwa ga Morwesi o ne o tla dira


eng? (2)

4.5 Naya ditlamorago di le PEDI tsa go tseela tsala lekau. (4)

4.6 Lerato la ga Mpute le Morwesi le feditswe ke eng? (2)

4.7 Ke dilo dife di le PEDI tse Mpute a makaditseng Morwesi ka tsona fa ba ne ba


etetse kwa Ga-Rankuwa? (2)

4.8 Ke ka ntlha ya eng Ntshimane a ne a itaya se fololetse mo dithutong tsa


gagwe? (2)
Kwalololo e ileditswe Phetla
Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P2 8 DBE/Tlhakole–Mopitlwe 2014
NSC

4.9 Leina la mosetsana yo Mpute a mo tsereng mo go Ntshimane fa a ne a etetse


kwa Ntwane ke mang? (1)

4.10 Maitemogelo a gago ka lerato la ga Morwesi le Mpute ke afe? (2)

4.11 Ditiragalo tsa padi e, di senola motlha ofe? Tshegetsa ka lebaka. (3)

4.12 Ke thuto efe e o e ithutileng go tswa mo pading e? (2)

4.13 Kgotlhang magareng ga Mpute le Ntshimane e tlhodilwe ke eng? (2)

4.14 Ke dilo dife tse PEDI tseo Mpute a neng a di newa kwa tirong fa a simolola
go dira? (2)

4.15 Lebaganya mafoko a a mo KHOLOMONG ya A le ditlhaloso tse di mo


KHOLOMONG ya B.

KHOLOMO YA A KHOLOMO YA B
4.15.1 Ga-Rankuwa A Kwa ga mmangwaneagwe Ntshimane.

4.15.2 Madibeng B Morwesi le Mpute ba ne ba etetse kwa


teng.
4.15.3 Ntwane
C Kwa gaabo Mmule.

D Rraagwe Mpute o ne a fudusediwa kwa


teng.
(3 x 1) (3)
[35]

PALOGOTLHE YA KAROLO YA A: 35

Kwalololo e ileditswe Phetla


Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P2 9 DBE/Tlhakole–Mopitlwe 2014
NSC

KAROLO YA B: TERAMA

MOLATSWANA WA GAETSHO – DMG Sekeleko

Araba potso e le NNGWE fela mo karolong e.

POTSO 5 (POTSO YA TLHAMO)

'Moipolai yo o sa lelelweng' – EK Lebethe

Seako ga a ka a nna legatlapa, o ne a lwela masimo a gagwe go fitlhela a fenya Phika


le Killer. Kwala tlhamo e e ka nnang le mafoko a a kana ka 250–300 e o tlhagisang
ditiragalo tse di tshegetsang tlhagiso e. [35]

KGOTSA

POTSO 6 (DIPOTSO TSE DIKHUTSHWANE)

'Ba tla nkitse' – ES Lekalakala

Buisa nopolo e e latelang, mme morago o arabe dipotso.

BOIPELO: Moswinini, tshela setlabošane seo. Kana nna ke nyorilwe. (Go utlwala
jaaka a tshela)

MOSWININI: Ke tse ke di tshetse.

MORATWE: Nna ke tla phoka kofi.

BOIPELO: (Ka lenyatso): Wena Moratwe o itirile mmamorutinyana. Nna ke a


inwela.
Bojalwa bo lebatsa mathata a lefatshe, le gona bo a lapolosa.

MORATWE: (Ka mafega): Nnyaya basadi, nna ga ke wa leloko leo.

BOIPELO: (Ka go nyatsa): Owai! Moswinini tlogela Moratwe. Ka re boMoratwe ga


ba itse sepe. Nna ke tlile go lo bontsha metlholo. Bahumi ba Temba ba
tla itse fa go na le motho a bidiwa Boipelo.

MOSWININI: Dira moletlo wa diragadibonwe. O bitse ditaitai tsa motse ono. Ke raya
gore ba tla go itse.

MORATWE: (Ka go tenega): Ga se mokgwa wa nnete oo. Nna ga ke o bee sebete.


Wena Moswinini o wetsa Boipelo go dira ditiro tse di sa tleng. Motho yo
ga se kgale a tlhokafaletswe. O sa ntse a le mo bontshong. A ga o
elelelwe fa o dira boleo?

MOSWININI: (Ka go nyatsa): Wena Moratwe o tshwenngwa ke dithuto tsa gago. Nna
ga ke batle batho ba re ke fufegela dithuto tsa gago. O rutegile, o
montle, mme ga o bue jaaka setlhalefi.

Kwalololo e ileditswe Phetla


Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P2 10 DBE/Tlhakole–Mopitlwe 2014
NSC

6.1 Tlhopha karabo e e maleba mo go POTSO 6.1.1–6.1.4.

6.1.1 Boipelo o atlholetswe dikgwedi di le ... kwa kgolegelong.

A thataro
B lesome
C tharo
D tlhano (1)

6.1.2 Ramarumo o ne a ya kwa ... fa a tla bona kotsi ya sejanaga.

A Temba
B Klipdrift
C Hammanskraal
D Tshwane (1)

6.1.3 Boipelo o tlaleilwe kwa maphodiseng ke ...

A Moswinini.
B Moratwe.
C Mathule.
D Motswedi. (1)

6.1.4 Rraagwe Boipelo ke ...

A Ranko.
B Motswedi.
C Mathule.
D Tau. (1)

6.2 Moswinini le Boipelo ba tsalana jang? (1)

6.3 Ke ka ntlha ya eng Moratwe a re Boipelo o sa ntse a le mo bontshong? (2)

6.4 Batsadi ba ga Boipelo ba ne ba utlwisiwa ke eng botlhoko morago ga loso lwa


ga Ramarumo? (2)

6.5 Motho yo o thusitseng Boipelo gore gompieno a bo a le mo bontshong ke


mang? (1)

6.6 Boipelo o ne a raya jang fa a re, 'ba tla nkitse'? (2)

6.7 Goreng go ne go le botlhokwa mo go Boipelo gore Ramarumo a swe? Naya


mabaka a le MABEDI. (4)

6.8 Tlhalosa ka boripana gore Ramarumo o sule jang. (2)

6.9 Ditiragalo tsa terama e, di diragalela kwa motseselegaeng kgotsa kwa


motsesetoropong? Tshegetsa ka lebaka. (3)

Kwalololo e ileditswe Phetla


Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P2 11 DBE/Tlhakole–Mopitlwe 2014
NSC

6.10 A fa o lebile Moratwe ke tsala ya boammaruri? Tshegetsa ka lebaka. (2)

6.11 Moanelwamogolo ke mang mo terameng e? Tshegetsa ka lebaka. (3)

6.12 Ramarumo o ne a dirile eng se se dirileng gore Boipelo a palelwe ke go


tshela botshelo jwa ditoro tsa gagwe? Naya dintlha di le PEDI. (4)

6.13 Go ya ka wena a go siame go bolaela motho dithoto tsa gagwe? Tshegetsa


ka lebaka. (2)

6.14 Ke thuto efe e o ithutileng yona mo terameng e? (2)

6.15 Kotsi ya Ramarumo e diragaletse kwa lefelong lefe? (1)


[35]

KGOTSA

POTSO 7 (POTSO YA TLHAMO)

'Mosese, Mosese, Mangole le Menwana' – SJ Shole

Kwala tlhamo ya mafoko a a kana ka 250–300, ka tatelano ya ditiragalo (poloto) tsa


teramakhutshwe e, go tloga kwa tshimologong go fitlha kwa bokhutlong. [35]

KGOTSA

POTSO 8 (DIPOTSO TSE DIKHUTSHWANE)

'Bo tla sa jang?' – C Modise

Buisa nopolo e e latelang, mme morago o arabe dipotso.

KGOMOTSO: (Ka kakanyo e e tebileng): Hh …!! Ke a bo ke ya go latsa kae tlhogo fa


bosigo bo setse bo tsena jaana tota? Ke raya fa diphaposi tsotlhe di
lotletswe jaana? Le tlala e nkabolotse. E kete go sejanaga se se
emang fa ntle fa … ka re ke tshaba le go okomela ruri, gongwe ke
bone.

LEPHODISA: (Go konyakonya motho mo lebating): Koko …!

KGOMOTSO: Tsena!
(Lebati le a bulega le be le tswalega)

LEPHODISA: Dumela mma.

KGOMOTSO: Agee sajene.

LEPHODISA: A ke wena mogatsa Phofu mma?

KGOMOTSO: Ga …ga ke itse gore a ke go ree ke re ee kana nnyaya jaaka Phofu a


setse a bone mosadi yo mošwa sajene … ke eng o botsa? Kana …

LEPHODISA: Hm …! Go thata.

KGOMOTSO: Go diragetse eng e kete o tla ntshosa jaana?


Kwalololo e ileditswe Phetla
Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P2 12 DBE/Tlhakole–Mopitlwe 2014
NSC

LEPHODISA: Pele re tla foo … a o rata go nthaya o re lo kgaogane mma?

KGOMOTSO: Go kgaogana ga re ise re kgaogane saji; le gale ke bona re tloga re


kgaogana. (O rata go lela) Ke bua jaana e le gore o sa le a lotlela
ditswalo tsa diphaposi tsotlhe tsa ntlo a di naya kgarebe eo ya gagwe.

LEPHODISA: Ruri dilo di a diragala … kgarebe eo ke mang? Le gone e nna kae?

KGOMOTSO: O bidiwa … o nna mo ntlong ya bosupa mo go ona mmila o.

LEPHODISA: Tota ga ke itse gore o tsile go e tsaya jang kgang e …

8.1 Tlhopha karabo e e maleba mo go POTSO 8.1.1–8.1.4.

8.1.1 Setlhogo sa teramakhutshwe 'Bo tla sa jang' se kaya gore ...

A bosigo bo tla sa jang.


B bosigo bo sele.
C se se tla tsogang se diragala ka moso kana mo nakong e e
tlang, ga o se itse.
D matsatsi a feta ka bonako. (1)

8.1.2 Kgomotso fa a goroga kwa ga gaabo o fitlhetse rraagwe a ile ...

A tirong.
B mabentleleng.
C kerekeng.
D masimong. (1)

8.1.3 Rraagwe Kgomotso ke motho yo o ...

A pelotshetla.
B tlhokang maikarabelo.
C dumelang mo setsong.
D pelotelele. (1)

8.1.4 Phofu o ne a solofeditse lekgarebe la gagwe ...

A madi.
B mpho ya mmotorokara.
C mpho ya ntlo.
D lenyalo. (1)

8.2 Kgomotso le Phofu ba amana jang? (2)

8.3 Ke eng se se bakileng kgotlhang mo magareng ga Phofu le Kgomotso? (2)

8.4 Naya leina la lekgarebe ya ga Phofu. (1)

8.5 Phofu o ne a naya Kgomotso molaetsa ofe ka go mo lotlelela kwa ntle? (2)

Kwalololo e ileditswe Phetla


Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P2 13 DBE/Tlhakole–Mopitlwe 2014
NSC

8.6 Phofu le lekgarebe la gagwe ba ne ba ya kwa kae fa ba lotlelela Kgomotso


kwa ntle? (2)

8.7 Lephodisa le ne le tlile go dira eng kwa ntlong ya ga Kgomotso? (2)

8.8 Tiragalo e o e umakileng mo go 8.7 e tlhodilwe ke eng? (2)

8.9 A o bona go ne go siame gore Kgomotso a itshokele Phofu? Tshegetsa ka


lebaka. (2)

8.10 Naya dikgato di le PEDI tse mokwadi a di tlhagisang go rarabolola bothata


jwa ga Kgomotso le Phofu. (4)

8.11 Morero wa teramakhutshwe ke ofe? (2)

8.12 O ithutile eng ka modiragatsi yo o tshwanang le Phofu? (4)

8.13 Tlhalosa ka bokhutshwane gore teramakhutshwe e khutlile jang. (4)

8.14 Molwantshiwa mo teramakhutshweng e, ke mang? Tshegetsa ka lebaka. (2)


[35]

PALOGOTLHE YA KAROLO YA B: 35

Kwalololo e ileditswe Phetla


Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P2 14 DBE/Tlhakole–Mopitlwe 2014
NSC

KAROLO YA C: DIKGANGKHUTSHWE

NGATANA YA LEHUMO – KM Mbonani le ba bangwe

Araba potso e le NNGWE fela mo karolong e.

POTSO 9 (POTSO YA TLHAMO)

'Ke tla thuswa ke mang?' – PJ Mathibe

Phale o rakane le mathata a a mo fetang mo botshelong jwa gagwe. Kwala tlhamo ya


mafoko a a ka nnang 250–300 ka ditiragalo tse di tshegetsang tlhagiso e. [35]

KGOTSA

POTSO 10 (DIPOTSO TSE DIKHUTSHWANE)

'Lenyalo ke kgetse ya lesogodi' – MI Siko

Buisa nopolo e e latelang, mme morago o arabe dipotso.

'Bula ditsebe Mokgethi; maikaelelo a gago ke a bone a sa ntse a thuthuga. A o batla


go nkhupetsa mowa ke le mmaago?'
Lekolwane la letsa molodi go emisa ditumuga gore le tle le utlwe se Dithole a se
buang.
'Leeto le leleele se emise boraditsebe ba mosimane.'
Mosadimogolo a tiisa lefuto la tuku pele a ntsha se se mo mafatlheng.
'Mma kgotsa o ne o tletswe ke letsha ga o a ikutlwa fa o bua?'
Mokgethi a kgoberela metsi kwa pele ka potso ya gagwe.
'E bile o setse o ntshema mosadimogolo, ga ke lore ke a bua.'
'Maloba ke swabile nko go feta molomo mo thekising, basetsana bangwe ba ne ba bua
ka wena le ngwana yole wa badidi. Ka leboga Modimo go menagane fa ke kgonne go
utlwa dikgang pele kutu ya lerato e tia.' Mokgethi a tlhoma mmaagwe matlho jaaka
ntsu; a ipotsa gore madi a mmutla a rothisitswe ke mang.
'Se rotole matlho, nkarabe, e seng jalo Mogasi o ya go itse fa re goroga kwa gae.'
Lekau la tshwara kwa le kwa, ditonki tsa ema fa thoko ga tsela jaaka e ka re di rata go
utlwa se se buiwang. Ba tswa mo go tsona jaaka Pilato fa a ne a tswa mo tshekong ya
ga Jesu.

'Ntekwane mma fa o ne o re ke go ise tleliniking kwa Kameelboom o ne o rata go


mpotsa dilo tse, e ka re o tshwerwe ke setlhabi wa kgwa magala jaana? O tla mpotsa
dipotso kwa gae e seng mo nageng.'
Mosadimogolo a mo tshosetsa ka gore o ya go phunya tlhagala fa pele ga rraagwe fa
a sa mo arabe. Mokgethi a gopola bogale jwa ga Mogasi mme a ikobela mmaagwe.
Lekau la leka go ritela mafoko ka thitelo ga se thuse sepe.
'Setlhabi se, se nkokonela ka ntlha ya gago ngwanaka, se lobe sepe.' 'Mma, a o rata
go kgomarolola lenala mo kgononopeng?' Ya nna jaaka e ka re o badile mmaagwe.
Dithole a tsholola tsa mathe, a ikana ka Bakgatla fa a ya go tlhalosa fa pele ga
rraagwe.

'Ngwanaka ke go somaretse go tloga ka 1970 o sa ntse o bopega, o leitibolo la me e


bile ke go rata go feta bomonnao. Se ntlisetse sego se se dutlang; le gona ke batla
galase e seng dilo tsa kgale.'

Kwalololo e ileditswe Phetla


Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P2 15 DBE/Tlhakole–Mopitlwe 2014
NSC

Mokgethi a araba go emisa mmaagwe go bua mafoko a a bogale, a mo solofetsa fa a


ka se tlhole a nnisana meriti le Lebogang. Mosadimogolo a mo atla go supa fa a
itumetse. O ne a tla itheng ngwana wa batho gonne o opeletswe sebaka sa ura;
bonolo jwa gagwe bo ne bo dira gore a se itseele ditshwetso.

10.1 Tlhopha karabo e e maleba mo go POTSO 10.1.1–10.1.4.

10.1.1 Setlhopha se se neng se opela pina ya mmamodikwadikwane ke ...

A Manhattans.
B M.C.C.E.
C Sinaco.
D Sanco. (1)

10.1.2 ... o ne a ntshetsa Mokgethi sethunya kwa ntlong ya gagwe.

A Mogasi
B Dithole
C Lebogang
D Terry (1)

10.1.3 Mokgethi o ne a isa mmaagwe kwa tleliniking ya kwa ...

A Sun City.
B Kameelboom.
C Mankwe.
D Kameeldrift. (1)

10.1.4 Mokgethi le Morwesi ba ne ba simolola go ratana ka kgwedi ya ...

A Seetebosigo.
B Phukwi.
C Ferikgong.
D Phatwe. (1)

10.2 Naya leina la mmaagwe Mokgethi. (1)

10.3 Rraagwe Mokgethi o ne a itsege ka eng? (2)

10.4 Goreng mmaagwe Mokgethi a ne a sa rate Lebogang? (2)

10.5 A o bona kgato e Dithole a e tsereng kgatlhanong le lorato lwa ga Mokgethi le


Lebogang e ne e siame? Tshegetsa karabo ya gago. (3)

10.6 Ke thuto efe e o itseetseng yona mo khutshweng e? (2)

10.7 Naya lebaka le le dirileng gore Mokgethi a robale kwa bookelong. (2)

10.8 A o dumalana le ntlha ya gore maemo kgotsa thuto ga se motheo wa lenyalo?


Tshegetsa ka lebaka o ikaegile ka khutshwe e. (3)

Kwalololo e ileditswe Phetla


Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P2 16 DBE/Tlhakole–Mopitlwe 2014
NSC

10.9 Ke eng se Mokgethi a letleletseng mmaagwe go se dira ka botshelo jwa


gagwe? (2)

10.10 Mokgethi le Morwesi ba kopane lwa ntlha kwa kae? (2)

10.11 Ke eng se Mokgethi le Morwesi ba neng ba se dira mmogo go itumedisana? (2)

10.12 Anela ka bokhutshwane tiragalo e e neng ya dira gore Mokgethi a tswe a


tshaba kwa ga gagwe. (2)

10.13 Ke pina efe e Lebogang le Mokgethi ba neng ba e utlweletse pele ba


kgaogana? (2)

10.14 Neela dilo di le PEDI tse Mokgethi a neng a di fitlhela mo ntlong fa a ne a ile
go tsaya dikwalo. (2)

10.15 Ka dintlha di le PEDI neela semelo sa ga Mokgethi. (4)


[35]

PALOGOTLHE YA KAROLO YA C: 35

Kwalololo e ileditswe Phetla


Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P2 17 DBE/Tlhakole–Mopitlwe 2014
NSC

KAROLO YA D: POKO

MABOKO A SETSWANA – Morulaganyi MK Mothoagae

Araba dipotso di le PEDI fela mo karolong e.

POTSO 11 (DIPOTSO TSE DIKHUTSHWANE)

Buisa nopolo e e latelang, mme morago o arabe dipotso.

Bosiela – LD Raditladi

1 Bosiela ga bo phimoge sekalobadi,


2 Ga bo na motho a bo tlhapa ka mosidi,
3 A bo phimola a bo tlhapela bodibeng,
4 Go tswa maswe, jone bo salele nameng.

5 Ke ledimo le jang batho le matlhape,


6 Moselesele o sadisang le makape,
7 Go sale bolota go sale botlhoko,
8 Go sale sebodu se tlhokang dipheko.

9 Bosiela ke pula ya kgogolamoko,


10 Ke mosetlho o sa rwalelwang le ditlhako;
11 Bo go kolobetsa bo sa go rapele,
12 Bo go tlhabe dinao, ditlhako o di rwele.

13 Bosiela ruri ke leselamotlhaka


14 Le utswang dikoko, masogo le dikgaka;
15 Bo tsena fela le fa ntlo e ageletswe,
16 Bo bo bo senya lokgapho lwa ntlo e feetswe.

11.1 Ke ponagalo efe ya poko e e tlhagelelang mo meleng ya 7 le 8? (2)

11.2 Ke sekapuo sefe se se tlhagelelang mo moleng wa 12? (2)

11.3 Ke ka ntlha ya eng mmoki a tshwantsha bosiela le ledimo? (2)

11.4 Tlhalosa gore mmoki o kaya eng mo moleng wa 16. (2)

11.5 Ke eng se se tlholang bosiela? (2)

11.6 Nopola sekapuo sa tshwantshiso mo temaneng ya 4. (2)

11.7 Fa o lebile goreng bosiela bo sa phimoge? (2)

11.8 Maikutlo a mmoki ke afe mo lebokong le? Tshegetsa ka lebaka. (2)

11.9 Ke molaetsa ofe o mmoki a re nayang ona? (1½)


[17½]

KGOTSA

Kwalololo e ileditswe Phetla


Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P2 18 DBE/Tlhakole–Mopitlwe 2014
NSC

POTSO 12 (DIPOTSO TSE DIKHUTSHWANE)

Buisa nopolo e e latelang, mme morago o arabe dipotso.

Mahuma-pelo a ga Phokojwe – MS Kitchen

1 Ruri legodimo le ka be le na le mogala


2 Nkabo ke lotlegela Mmopi, ke re a utlwe,
3 A thuse, a kgalemele motho re a nyelela,
4 Re nyelediwa ke motho le ntšwa ya gagwe.

5 Ga ke bewe sebete, Mongwe wa diphologolo!


6 Le fa go dutsweng gone go dutswe fela ka nna-
7 Monkgwe wa dibatana! Ke ntshitswe loso-logolo
8 Ga twe le ke le bathong mokgwa ke gana ka one

9 Jalo bana ba batho ba mekgwa mme e ngokologilwe,


10 Wa me one fa o gopotswe ke tlhola-e-eme;
11 Ga e ke e re go umakwa o didimalelwe,
12 Ba re sa me ga se bolotsana ke ntlo-lo-bone.

13 Ga nke ke tswa ke sela-sela tsatsi le tlhabile,


14 Ke itala go lala ke kaila go sa robetswe,
15 Ke apere lefifi maeba a sa sedile,
16 Ke sikologa badipa – motho le ntšwa ya gagwe.

12.1 Mmoki o utlwisitswe botlhoko ke eng? (2)

12.2 Mmoki o kopa gore Mmopi a dire eng? (2)

12.3 Ke dilo dife tse PEDI tse di dirang gore phokojwe a nyelele? (2)

12.4 Nopola mola o o tlhalosang gore maitsholo a ga phokojwe ke a a feteletseng. (2)

12.5 Goreng Phokojwe a selasela go robetswe? (2)

12.6 Leboko le, ke la mofuta ofe? Tshegetsa ka lebaka. (1½)

12.7 Ke ponagalo efe ya poko e e tlhagelelang mo meleng ya 14 le 15? (2)

12.8 Fa o lebile mmoki o eletsa gore go diragale eng? (2)

12.9 Molaetsa wa leboko le ke ofe? (2)


[17½]

KGOTSA

Kwalololo e ileditswe Phetla


Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P2 19 DBE/Tlhakole–Mopitlwe 2014
NSC

POTSO 13 (DIPOTSO TSE DIKHUTSHWANE)

Buisa nopolo e e latelang, mme morago o arabe dipotso.

Botlhanka – SF Motlhake

1 Ke go boleletse gangwe le gape,


2 Go lemala ga namane ke go lala le mmaayo;
3 Motlhanka o simolotse go botologa
4 Ke tlile go tswa natso go tlhabilwe mankokwane.

5 Ke go boleletse gangwe le gape,


6 Motlhanka ga a ntshetswe meno,
7 Wa leka, o a itebala;
8 A tloge a thube kobo segole.

9 Ke go boleletse gangwe le gape,


10 Motlhanka ga nnele molelo le batho;
11 Motho o a tle a intshe maise,
12 Go tlogwe go sekwe mafoko a se na mmui.

13 Ke go boleletse gangwe le gape,


14 Batho ga re lekane re se meno.
15 Ntšwa di gana go robala ntle,
16 Re tlile go solwa lesolo se se mankopa.

17 Ke go boleletse gangwe le gape,


18 Motlhanka motho, ga a kgwelwe mathe;
19 Wa leka, o itshenyetsa didiba;
20 E tla re madiba a tšhwa, wa ngoalala.

13.1 Tlhalosa gore mmoki o kaya eng ka mola wa 18. (2)

13.2 Naya leina la ponagalo ya poko e e tlhagelelang mo meleng ya 10 le 11. (2)

13.3 O tlhaloganya eng ka lefoko 'Motlhanka'? (2)

13.4 Tlhalosa bokao jwa temana ya 2. (2)

13.5 Mmoki o kaya eng fa a re 'Ke tlile go tswa natso go tlhabilwe mankokwane'? (2)

13.6 Maikutlo a mmoki ke afe, go ya ka temana ya 1? Tshegetsa ka lebaka. (2)

13.7 Go ya ka wena, motlhanka o tshwanetse go tsholwa jang? Tshegetsa ka


lebaka. (2)

13.8 Leboko le ke la mofuta ofe? Tshegetsa ka lebaka. (1½)

13.9 Goreng mmoki a boeletsa mola o 'Ke go boleletse gangwe le gape' mo


temaneng nngwe le nngwe? (2)
[17½]

KGOTSA

Kwalololo e ileditswe Phetla


Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P2 20 DBE/Tlhakole–Mopitlwe 2014
NSC

POTSO 14 (DIPOTSO TSE DIKHUTSHWANE)

Buisa nopolo e e latelang, mme morago o arabe dipotso.

Bojaki – SF Motlhake

1 Re teye maina, re gakanege;


2 Leo le bonoga leina la ga Noge.
3 Leina lebe, borara, tlhe seromo;
4 Re tise leina le ya boreelelo.

5 Koo-koo, bagaetsho dumelang, Bakwena.


6 'Kwena, mme ntlha lo beile mopakwana?
7 Ya baagi yotlhe mefiko e tswetse,
8 Ka phaladi e ba phatlaladitse.

9 Semethemetheng mojaki a iphua,


10 Le ketekete tsa batho a di rua.
11 Batho ba mmona, o ka re ke bana;
12 Ba mo farafara e se mmaabona.

13 La latsa ditlhokwa fatshe lefatshe,


14 Le mojaki a bona a falotse;
15 Lejwe a le konopetse morago;
16 Kwa ga mothakga go ntswe ka marago.

14.1 Mmoki o ikopela eng mo temeng ya 1? (2)

14.2 Maikutlo a mmoki ke afe? Tshegetsa ka lebaka. (2)

14.3 Nopola mela e MEBEDI go tswa mo temaneng ya 3 e e kayang gore mmoki o


ne a iketlile le batho ba le bantsi kwa a neng a le teng. (2)

14.4 Ke ponagalo efe ya poko e e tlhagelelang mo moleng wa 6? (2)

14.5 Leboko le, ke la segompieno. Naya dintlha di le PEDI go tshegetsa ntlha e. (2)

14.6 Fa o lebile goreng mmoki a ne a makadiwa ke go bona mopakwana fa


mojako? (2)

14.7 Naya leina la sekapuo se se dirisitsweng mo moleng wa 13. (2)

14.8 Goreng mojaki a ne a ipona a falotse? (2)

14.9 Mmoki o kaya eng ka mola wa 15? (1½)


[17½]

PALOGOTLHE YA KAROLO YA D: 35
PALOGOTLHE: 70

Kwalololo e ileditswe

You might also like